Revelation of John 11

Baporofiti ba babedi

1Jaanong ka neelwa thobane e e lekan yang mme ka laelwa go ya go lekanya Tempele ya Modimo, mmogo le ntlo e e mo teng e sebeso se leng mo go yone, le go bala palo ya baobamedi. 2Mme ka tewa gatwe, “O se ka wa lekanya ntlo e e kwa ntle, gonne e neetswe dichaba. Ba tlaa gataka motse o o Boitshepo selekanyo sa kgwedi tse di masome mane. 3Mme ke tlaa neela basupi ba me ba babedi nonofo ya go porofesa selekanyo sa malatsi a le sekete le makgolo a mabedi le masome a marataro ba apere letsela la kgetse.”

4Baporofiti ba babedi ba ke ditlhare tse pedi tsa matlhware, le ditlhomo tse pedi tse di emeng fa pele ga Modimo wa lefatshe lotlhe. 5Le fa e le mang yo o lekang go di tlhokofatsa o tlaa bolawa ka molelo o o tswang mo maganong a bone. 6Ba na le nonofo go tswala magodimo gore pula e se ka ya na mo dingwageng tse tharo le sephatlo tse ba porofesang ka tsone, le go fetola melapo le mawatle madi, le go romela mofuta mongwe le mongwe wa petso mo lefatsheng kgapetsakgapetsa ka fa ba eletsang ka teng.

7E tlaa re fa ba sena go fetsa dingwaga tse tharo le sephatlo tsa bosupi jwa bone, modipa yo o tswang mo moleteng o o senang bolekanngo o tlaa lwa le bone a ba fenya a bo a ba bolaya; 8
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Tshenolo 11:9.
9
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Tshenolo 11:8-9.
mme mo malatsing a mararo le sephatlo mebele ya bone e tlaa bewa mo pepeneneng mo mebileng ya Jerusalema (motse o o bolelwang sentle jaaka “Sodoma” kgotsa “Egepeto”), lefelo tota le Morena wa bone o bapoletsweng mo go lone. Ga go na ope yo o tlaa letlelelwang go ba fitlha, mme batho ba ba tswang mo merafeng e le mentsi ba tlaa phuthega go tla go ba bona.
10Mme go tlaa nna le letsatsi la boikhutso la lefatshe lotlhe, batho gongwe le gongwe le gongwe ba tlaa ipela ba bo ba abalana dimpho, ba dira mediro go itumelela loso lwa baporofiti ba babedi ba ba ba tlhokofaditseng mo go kalo.

11Mme morago ga malatsi a le mararo le sephatlo, mowa wa botshelo o o tswang kwa Modimong o tlaa tsena mo go bone mme ba tlaa ema ka dinao! Mme poifo e kgolo e tlaa wela mongwe le mongwe. 12Hong lentswe le legolo le tlaa goa le tswa kwa legodimong le re, “Tlhatlogelang kwano!” Mme ba tlaa tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung baba ba bone ba ba lebeletse.

13Ka yone oura eo go tlaa nna le thoromo e e maswe ya lefatshe e e digang karolo ya lesome ya motse, e bolaya batho ba le dikete di supa. Mme botlhe ba ba setseng ba tlaa galaletsa Modimo wa legodimo ka poifo.

14Tatlhego ya bobedi e fetile, mme ya boraro e latela ka bofefo:

Loshalaba lwa mantswe

15Gone foo moengele wa bosupa a letsa torompeta ya gagwe, mme ga bo go le mantswe a magolo a goa a tswa kwa legodimong a re, “Bogosi jwa lefatshe leno jaanong ke jwa Morena wa rona, le Keresete wa gagwe; mme o tlaa busa ka metlha le metlha.”

16Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba ba ntseng mo ditilong tsa bone tsa Segosi fa pele ga Modimo ba itatlhela fa fatshe ba obama, ba re, 17“Re a leboga, Morena Modimo Mothatayotlhe, yo o leng teng le yo o neng a le teng, gonne jaanong o tshotse nonofo ya gago e kgolo o simolotse go busa.

18“Dichaba di ne di go galefetse, mme jaanong ke nako ya gago gore o ba galefele. Ke nako ya go atlhola baswi, le go duela batlhanka ba gago, baporofiti le batho ka go tshwana, botlhe ba ba boifang leina la gago, bagolo le bannye, le go nyeletsa ba ba dirileng tshenyo mo lefatsheng”.

19Mme mo legodimong, tempele ya Modimo ya bo e butswe mme letlole la kgolagano ya one la bo le bonala mo teng. Go ne ga nna dikgadima, ga nna loratla lwa tumo ya maru, mme ga nna le matsubutsubu a sefako mme lefatshe la tshikinngwa ke thoromo e kgolo ya lone.
Copyright information for TsnLEF